Jump to content

Nxai Pan National Park

Go tswa ko Wikipedia

Pane le lefelo la Tshireletso la Diphologolo la Nxai  ke lefelo la tshireletso ya diiphologolo mo bokone botlhaba jwa lefatshe la Botswana, leo le akaretsang Pane ya Nxai eo eleng  nngwe ya dipane tsa letswai tsedi mo Paneng ya  Makgadikgadi.  Lefelo la tshireletso diphologolo la Pane ya Nxai le mo bokone fa thoko ga tsela e tona ya Maun-Nata mme di  kopanna mo molelwaneg oo kwa bokone le lefelo la tshireletso ya diphologolo la Pane ya Makgadikgadi. Pane e fela ka bo yone ke masalela a bogologolo a letsibogo leo le bophara kana botona jwa dikilomithara di le lesome le bone go menagane gabedi(40km2).[1] Ke legae la go kgobokana ga ditlhare tsa bogologolo tsa baobab tseo di neetsweng leina ke Thomas Baines, yoo a di tlhalositseng jaaka dimela tsa  bophirima. Baine’s Baobabs jaaka di tlwaesegile go bidiwa, ke ditlhare dingwe tsa kgatlho leitlho la bajanala mo lefelong lele sa laolweng le la Botswana.

Diphologolo tsa Naga[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo la tshireletso diphologolo la Nxai ke legae la diphologolo tsa naga tse di akaretsang ditlou,dithutlwa, Pitse tsa naga, kgokong,ditau, mangau, dinkwe,Impala, bo mmanche.matlhalerwa,bophokoje, bophiri, metlhose, sebala bolokwane, matshwane.

Tshomarelo[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo le le mo mafatsheng a le matlhano,  Kavango-Zambezi Transfronteir  Conservation Area.[2]

Ditsela[fetola | Fetola Motswedi]

Paka ya dipula magareng ga dikgwedi tsa Ngwanatsele le Mopitlo go le molelo pula dina ka nako ya selemo lefelo le leabo lele lentle. Diphologolo di dintsi go tloga ka Morule go fitlha ka  Mopitlo mme fa go nele pula entsi tsela e nna dingalo go tsamaega. Ditsela gadi tsamaege gotlhelele fa go na le dipula tse dintsi. Paka ee siametseng go tla mo lefelong le ke nako ya paka ya komelelo kana mariga go tloga ka kgwedi ya Motsheganong go tsena ka kgwedi ya Lwetse.[3]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Botswana Travel Guide to Nxai Pan". Siyabona Africa. Retrieved 30 May 2024
  2. KAZA-TFCA". 2013. Archived from the original on 30 May 2013. Retrieved 31 May 2024
  3. Nxai Pan National Park, November 2017". Independent Travellers. independent-travellers.com. Retrieved 31 May 2024

Magokaganyi aa kwa Ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Nxai Pan National Park general information