Jump to content

Borna Nyaoke-Anoke

Go tswa ko Wikipedia
Borna Nyaoke
Tsalo
Kenya
ThutoUniversity of Nairobi
(Bachelor of Medicine and Bachelor of Surgery)
Harvard School of Medicine
(Global Clinical Scholars Research Training)
University of Liverpool
(Master of Public Health)
TiroPhysician and clinical researcher
TitleSenior Clinical Project Manager & Medical Manager at Drugs for Neglected Diseases Initiative/ Global Antibiotic Research and Development Partnership.

Borna Nyaoke ke Ngaka ya moKenya, gape ele motlhotlhomise wa tsa botsogo jwa batho. O ne a fiwa maemo a Head of Mycetoma Research ka ngwaga wa 2023, o kile a nna Manager of Clinical Trials at Drugs for Neglected Diseases initiative/ Global Antibiotic Research and Development Partnership (DNDi/GARDP)[1][2]. Mme Nyaoke o kile a bereka gape ele Clinical Trial Manager at the KAVI (Kenya AIDS Vaccine Initiative) Institute of Clinical Research, e e kwa Unibesithe ya Nairobi[3][4].

Mme Nyaoke, yo e leng moitsanape wa tsa botsogo, Dr. Dr. Roselyne Okello yo eleng radiologist, Dr. Nida Okumu yo eleng moitsanape yo o remeletseng mo go tsa malwetse a a tshelanwang (infectious diseases), le Dr. Achieng Aling yo sleng ngaka ya tsa botsogo jwa basadi, ba ne ba simolola Hema Foundation, mokgatlho o kwa Nairobi o o sa fiweng madi ke goromente (NGO), ka ngwaga wa 2015.

Dr. Nyaoke, moitsanape wa tsa botsogo jwa batho, together with Dr. Roselyne Okello, a radiologist, Dr. Nida Okumu, moitsanape wa infectious diseases and Dr. Achieng Aling, ngaka ya baimana le basadi, founded Hema Foundation, a Nairobi-based non-government organisation, in 2015. Bomme ba ba ne ba tsena sekolo sa bongaka mmogo kwa Nairobi. Hema Foundation e remeletse mo go thuseng banyana ba nnang gaufi le teropo ya Nairobi ba dingwaga tse di lesome le bosupa (17) go ya kwa tlase. E ba thusa go ba lekodisa, go ba alafa malwetse, le go rotloetsa gore banyana ba ithute ka STEM, go ba thusa ka boitsanape, le tsa botsogo jwa tlhaloganyo (counselling)[5].

Botshelo le Pereko[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Borna Nyaoke o tshotswe ka ngwaga wa 1987 kwa Kenya, o ne a tsena ko dikolong tsa Kenya go simolola ka bonnyenyane jwa gagwe, go fitlhela sekolo se segolwane, O ne a felela a tsena kwa Unibesithe ya Nairobi, kwa a ne a ithuta tsa bongaka jwa batho, a fetsa ka setlankana sa Bachelor of Medicine and Bachelor of Surgery (MBChB). A felela a tsena kwa Unibesithe ya Liverpool a fia setlankana sa Master of Public Health (MPH), a remeletse mo go tsa tiriso ya ditlamelo tsa botsogo. O tsene gape kwa dithutong tsa clinical trials[4] ko Global Clinical Scholars Research Training (GCSRT) Program, kwa Harvard School of Medicine.

Fa a fetsa setlankana sa gagne sa degree sa ntla, o ne a bereka kwa Kenyatta National Hospital, a felela a ya go bereka ele ngaka kwa The Nairobi Hospital. Go simolola ka kgwedi ya Tlhakole, ngwaga wa 2018 o berekile kwa DNDi/GARDP, ele moeteledipele wa di clinical trial. Gape go simolola ka Ferikgong 2015 o ne a tlhophiwa ele mongwe wa baeteledipele (executive director) kwa Health and Wellness Solutions Limited, kgwebo e e remeletseng mo go tsa botsogo, e e thusang batho ka mananeo a botsogo. Ka Seetebosigo 2018 Mme Nyaoke o ne a gatisa dipampiri tsa ditlhotlhomiso tsa gagwe mo dikgatisong tse di balwang ke dingaka le ba botsogo, tse dingwe di ka bona mo metsweding kwa tlase[6].

Mme Nyaoke o ne a fa mabaka a gore Batho ba Kenya ba kile ba bo ba tshela lebaka pele ga ba ja dijo tse di highly processed mme ba sa exercise. Ka go direng jalo ba oketsa palo ya non-communicable diseases mo sechabeng, malwetse a dirwa ke dijo tse di jewang gompieno, le gore batho ga ba itshikinye mebele ya bone[7].

Dietseele[fetola | Fetola Motswedi]

O ka leba ba ba latelang[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Borna Nyaoke | DND". dndi.org. Retrieved 1 September2023.
  2. von Delft, Annette; Mowbray, Charles; Nyaoke, Borna (24 December 2021). "The Moonshot Crowdsourcing to Develop The First Open-Source, Generic COVID-19 Antiviral Pill - Health Policy Watch". Health Policy Watch. Retrieved 17 January 2022.
  3. South Centre (25 July 2019). "ReAct Africa and South Centre Conference 2019: Borna Nyaoke Biography" (PDF). Geneva, Switzerland: Southcentre.int. Retrieved 28 June 2020.
  4. 4.0 4.1 4.2 "Top 40 Women Under 40 in Kenya" (PDF). Business Daily Africa. 2017. Retrieved 28 June 2020.
  5. In Our Hands Organization (2020). "Meet the Founders of Hema Foundation". In Our Hands Organization Nigeria. Retrieved 28 June 2020.
  6. Researchgate (June 2020). "Medical Publications By Borna Nyaoke". Retrieved 28 June 2020.
  7. Eric Nyakagwa and Cheptoek Boyo (24 May 2020). "Njonjo , Moi, Moody: Why these Wazee Are Still Up And Running" (Also appeared in Sde.co.ke). Nairobi: Diaspora Messenger. Retrieved 28 June 2020.

Metswedi e mengwe[fetola | Fetola Motswedi]